DITENG LE BOTSELEGANYI
Tsa ka gale
Tse Dišwa
Go fetolwa ga Dikgotlatshekelo 07 Bosiamisi bo bua puo ya gago 08 Melao ya Paja 09 Lenane la dikgatiso tsa menwana le thusa go lwantsha bosenyi 12 Kgaisano ya Kolofo ya Katlaatlelo ya Bosiamisi 14 PEPUDA - Thotloetso ya Tekatekano 17 Tona o saena tumalano ya SA-Hong Kong
Dikgang
Bosiamisi bo tseela bana kwa setlhoeng 20 EU, Bosiamisi di thankgolola thulaganyo ya thuto 22 Baatefokata ba Malapa ba abelana maitemogelo ka ngwaga 27 Ditokafatso mo Tsamaisong ya Phepo ya Bana
PHASALATSO
BANNALESEABE
DIPEGELO TSA TLALELETSO
Botseleganyi
Mo kgatisong e ya Justice Today, e leng ya ntlha ya 2009, re leba kwa morago mo ngwagasomeng wa diphitlhelelo tse di dirilweng ke Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
Lefapha le ikaelela go tsholetsa le go sireletsa Molaotheo le melao le go rebola tsamaiso ya Bosiamisi e e .tlhelelegang, bonako e bile e se tlhwatlhwagodimo, go tlisa Aforika Borwa yo o bolokegileng e bile a sireletsegile. Maiteko a magolo a setse a dirilwe mo dingwageng tse lesome tse di fetileng go diragatsa maitlhomo a, mme se e le go tokafatsa matshelo a batho ba rona.
Go .tlheletswe go le gontsi mme go rulagantswe tse dingwe tse dintsi jaaka go tlamela ka mothamo o o lekaneng go dikgotlatshekelo le kagosezwa ya didiriswa tse, ka ntlha ya fa e le karolo ya tiragatso ya thebolo ya ditirelo tsa bosiamisi. Mo kgatisong e, re leba go fetolwa ga dikgotlatshekelo tsa makala e leng porojeke e e ikaelelang go tlisa ditirelo tsa bosiamisi gau. le ba ba nnang kwa metseselegaeng le ba kwa makei-saneng. Mo malobeng, baagi ba le bantsi ba ne ba tshwanetse go tsaya maeto a maleele go ya kwa ditoropong tse di gau. nabo go bona ditirelo tse di jaaka tuelo ya madi a phepo ya bana le dikgotlatshekelo tsa tirisodikgoka ya mo malapeng.
Porojeke e nngwe e e golaganeng le kagosešwa le tlhabololo ya dikgotlatshekelo ke porojeke ya teko ya tiriso ya dipuo tsa Seaforika. Go ralala naga, dikgetse di ntse di reediwa ka Sezulu, Sexhosa, Setswana le Afrikaans, mo mafelong a go buiwang dipuo tseo fela. Se ke phitlhelelo e kgolo le tsereg-anyo e e sa bolong go tlhokega mo setšhabeng se se ntseng se lebanwe ke kgwetlho ya maparego a puo mo dikgotlatshek-elo. Justice Today e ntse e setse morago porojeke e mme re go tlhalosetsa gore ke ka ntlha ya eng e tlhokega le gore e tla thusa jang mo go anamiseng phitlhelelo ya bosiamisi.
Phitlhelelo e nngwe e kgolo mo ngwagasomeng o o fetileng e nnile go samagana le ditlhoko tsa ditlhopha tse di bulegetseng kotsi le go tokafatsa tsamaiso ya phepo ya bana go fokotsa mokgweleo mo dikgotlatshekelo. Re tlhalosa tiro e e dirilweng mo ntlheng e ka Operation Isondlo, ga mmogo le matsapa a Batlhotlhomisi ba Phepo ya Bana. Kgatiso e e leba gape maiteko a mangwe a Lefapha mo ngwagasomeng o o fetileng le go le gontsi ka go sireletsa ba ba bulegetseng kotsi. A akaretsa tiro ya Mmueledi wa Malapa jaaka go tsenya tirisong Tumalano ya Hague ya International Parental Abductions, go tsaya bana tsia mo tsamaisong ya bosiamisi le ditshwanelo tsa bana.
Fa re leba mo isagong, seralwa sa Criminal Law (Forensic Procedure) Amendment Bill se tla dira gore mafapha a puso abelane phitlhelelo ya dimilione tsa dikgatiso tsa menwana le DNA, e leng se se tla thusang thata mo go rarabololeng bosenyi.
Rona ba Justice Today re solofela ngwagasome o mongwe gape wa diphitlhelelo tsa bosiamisi, o mo go ona re tla bong re ntse re le teng go abelana dikgang tse nao le go thusa go ruta setšhaba gore mat-sapa a a bosiamisi a ka .tlhelelwa jang le go tlisa pharologano mo matshelong a bona. Lavinia Mahlangu
Re tlisa Bosiamisi gau. nao
Ka Lavinia Mahlangu le Motshidisi Baloyi itirelo tsa bosiamisi di tsaya kgato go ya gau. le magae a Maaforika Borwa a a bulegetseng kotsi ka go fetolwa ga dikgotlatshekelo tsa makala di le 24 go nna dikgotlatshekelo tsa ditirelo tsotlhe. Go ya ka Tona ya Bosiamisi le Tlhab-ololo ya Molaotheo, Enver Surty, se se tla tokafatsa phitlhelelo ya Bosiamisi go baagi ba le bantsi ba Aforika Borwa segolo basadi.
Phetolo e e tlile go dira gore dikgotlatshekelo tsa makala di le 24 e nne tsa ditirelo tsotlhe, tse di sekasekang merero ya selegae jaaka tlamelo ya bana le tlhalo, mo godimo ga merero ya bosenyi e e ntseng e sekasekwa koo. Fa a ne a bua le Kgotlatshekelokgolo ya Bloemfontein ngogola, Tona Surty o rile dikgotlatshekelo tse di fetotsweng di tlile go tswela basadi mosola gonne ba tla kgona go amogela dituelo tsa phepo ya bana gau. le kwa ba nnang teng.
Fa a dirisa batho ba Alexandra jaaka sekao, Tona o tlhalositse gore setšhaba se, se se nang le nngwetharong ya palogotlhe ya batho ba kgaolo e, se ne se tshwanetse go tsaya loeto lo loleele go ya Randburg go amogela ditirelo tsa kgotlatshekelo ya selegae. Ka go fetolwa go, kgotlatshekelo e e leng teng mo Alexandra e tla rebola ditirelo tseo go fedisa bothata jo.
Dipalangwa tsa botlhe di bokoa magareng ga metsesetoropo le magae le ditoropo tse dikgolo kwa dikgotlatshekelo tse di kgolo tse di .tlhelwang teng. Ka ntlha ya se batho ba le bantsi ba itshokela mathata a mantsi go .tlha kwa dikgotlatshekelo tse dikgolo tse go .tlhelela ditirelo tsa selegae. Sekao, batho ba ba nnang kwa Deben kwa Kapa Bokone, ba tshwanetse go tsamaya 111km go ya Postmasburg, fa ba kwa Bolotwa ba tshwanetse go tsamays sekgala sa 65km go ya kwa kgotlatshekelo ya lekala e e gau. kwa Lady Frere in the Eastern Cape. Ka maiteko a, dikgwetlho tse di a rarabololwa.
Karolo ya dipoelo tsa porojeke ke go rotloetsa phitlhelelego ya dikgotlatshekelo tsotlhe ka go atolosetsa ditirelo tsotlhe kwa dikgotlatshekelong tsa makala. Se ke ka maitlhomo a go tokafatsa thebolelo-ditirelo mo baaging bao. Ke pono ya Lefapha go tlhoma dikgotlatshekelo gau. le baagi ba ba senang ditšhono.
Go samagana le go tlhoka tekatekano ga mo malobeng
Ka fa tlase ga puso e e fetileng, bontsi jwa dikgotlatshekelo tsa didika, di ne di kobiseditswe go direla Basweu mme batho Bantsho mo metsesetoropong ba ne ba ikgatholositswe. Ba ne ba kgona fela go .tlhelela ditirelo kwa dikgotlatshekelo tsa makala le tsa dipaka, tse di neng di tlamela ka maemo a a kwa tlase a ditirelo go na le dikgotlatshekelo tse di neng di na le didiriswa tse di botoka kwa ditopong le ditoropokgolong.
Dikgotlatshekelo tsa Makala di ne di tlhometswe go samagana fela le dikgetse tsa bosenyi. Go tlholwa ga dikgotlatshekelo tsa makala mo metsesetoropong ya maloba ya Bantsho tse di neng di na fela le ditirelo tsa bosenyi go ne go tshitshinya gore bosenyi bo tletse thata mo mafelong a. Dikgotlatshekelo tsa nakwana le tsona di ne di tsewa jalo. Ntlha ya gore go ne go se dikgetse tsa selegae kgotsa ditirelo tse dingwe, jaaka phepo ya bana le tirisodikgoka mo malapeng, di ne di sa rebolwa mo dikgotlatshekelong tse di kganela phitlhelelo ya bosiamisi e leng se dikgotlatshekelo tse di bo tlhometsweng.
Dingwe tsa dikgotlatshekeo tsa kgale di ne di agiwa kgakala le batho gore di nne kwa mafelong a go tsena gau. le ditsela tse dikgolo ka ntlha ya bomagiseterata le basekisi ba e neng e le Basweu mme ba tswa kwa ntle ga metsesetoropo e dikgotlatshekelo di leng mo go yona.
Kwa Dikgotlatshekelo tsa Dipaka, ditirelo di rebolwa gangwe kgotsa gabedi ka beke kgotsa gangwe ka kgwedi. Ka ntlha ya fa dikgotlatshekelo tse di dira ka dikgetse tsa bosenyi fela go kaya gore baagi ba ba timiwa phitlhelelo ya bosiamisi malebana le dikgotlang tsa selegae le tsa mo malapeng.
Mo Dikgotlatshelong tsa Dipaka tse 230, tse 116 di tlhomilwe kwa diteišeneng tsa sepodisi le dikgolegelo. Pholisi e e ne e rotloediwa pele ga paka ya molaotheo ya 1994 mme e ne e direlwa mapodisi a mo malobeng a neng a dira gape jaaka basekisi. Molaotheo o sireletsa tshwanelo ya mongwe le mongwe ya go re kgotlhang efe fela e e ka rarabololwang ka tiriso ya molao, go swediwa mo theetso e e sa gobeleleng mo kgotlatshekelo. Go tshwarelwa ga kgotlatshekelo kwa seteišeneng sa sepodisi, kgotlegelo kgotsa polase ya poraefete go ka mpampetsa tshwanelo ya theetso e e sa gobeleleng.
Fa Molaotheo o ne o tsena tirisong ka Tlhakole 1997, e ne e le karolo ya thulaganyo ya nakwana gore dikgotlatshekelo tsotlhe tse di neng di le teng ka nako eo di tswelele go dira ka moo di neng di ntse di dira ka teng, go ikaegilwe ka tokafatso kgotsa go phimol-wa ga molao o o dirang. Le fa go le jalo, morago ga gore molaotheo o mošwa o dire, go ne ga tlhongwa gore dikgotlhatshekelo tse, go akaretsa le popego, diteng, tsamaiso le tiro ya tsona e fetolwe. Se e tla nna ka go tlhoma tsamaiso ya boatlhodi e e nyalanang le ditlhokego tsa Molaotheo.
Dikgato tsa porojeke
Tsamaiso ya go nyalanya mothamo wa tiro ya dikgotlatshekelo ke karolo ya go sekaseka tiro ya dikgotlatshekelo jaaka e kaiwa ke Molaotheo. Tsela ya go nyalanya mothamo wa tiro ya dikgotlatshekelo e dirwa ka diporojeke tse pedi e leng:
Go tlhongwa ga mafela a ditiro tsa magiseterata mo Dikgotlatshekelo tse Dinnye (se gantsi se bidiwa go tlhongwa sešwa ga didika tsa bomagiseterata); le
Go sekasekwa ga mafelo a ditiro tsa dikarolo tsa Kgotlatshekelokgolo
Porojeke e ke kgato e kgolo mme e tla diragadiwa ka dikgato.
Kgato 1
Mo dikgotlatsekelong tse 24 tsa Dikgotlatshekelo tsa Makala, Dikgotlatshekelo tsa Makala tse 15 di setse di .tlhelela ditlhokego tsa go bidiwa dikgotlatshekelo tse dikgolo.
Kgato 2 Go ya ka kgato ya bobedi, Dikgotlatshekelo tsa Makala tse thataro tse di fa tlase di tla neelwa ditirelo tsotlhe go tloga kwa dikgotlatshekelong tse dikgolo go ya ka Dikaedi/Ditsamaiso tse di dumetsweng.
Kgato 3
Dikgotlatshekelo tsa Makala tse tharo tse di setseng mo Gauteng di tlhoka go toka-fadiwa ga mafaratlhatlha e leng Orlando, Protea le Tsakane, pele di ka fetolelwa go nna dikgotlatshekelo tse dikgolo.
Katiso ya bomagiseterata go reetsa dikgetse tsa selegae
Le fa go le jalo, maiteko a go .tlhelela Bosiamisi a na le dikgwetlho. "Se se na le seabe se segolo mo boatlhoding," ga rialo Tona Surty kwa kopanong le boatlhodi jwa Foreisetata.
Se se botlhokwa go gaisa ke gore re tsamaisa jang tiro e. Bomagiseterata ba bantsi ga ba na maitemogelo a go reetsa dikgetse tsa selegae. Re tla tshwanelwa ke go ikaega ka katiso e e tlamelwang ke Justice College, re supe dikgaolo tse di siametseng go ka rebola se mme re tlise babueledi ba ba nang le maitemogelo a dikgetse tsa selegae, go dira jaaka bom-agiseterata," a rialo Tona Surty.
Go kgontsha phetolo ya Dikgotlatshekelo tsa Makala tse 15 go nna dikgotlatshekelo tse dikgolo, go botlhokwa gore bomag-iseterata ba ba maleba ba fetisediwe go tswa kwa dikgotlatshekelo tse dikgolo go ya kwa Dikgotlatshekelo tsa Makala tse di supilweng, go ya ka kopo ya Tona.
Khomišene ya Bomagiseterata e rometse pegelo e mo go yona e atlenegisang bom-agiseterata ba ba tshwanetse go romelwa go tswa dikgotlatshekelo tse dikgolo go ya go Dikgotlatshekelo tsa Makala go tlamela ka bokgoni jo bo tlhokegang. Mo Dikgot-latshekelong tsa Makala tse 15 dikgotlat-shekelo tse di latelang tse 8 di setse di na le bomagiseterata ba ba maleba:
Mo nakong ya khudugo ya ditirelo tse, go tla elwa tlhoko dipaterone tsa mothamo wa tiro ya Dikgotlatshekelo tsa Makala ka maitlhomo a go netefatsa bogolo jwa mothamo o o tlhokegang pele di ka fe-tolelwa go nna dikgotlatshekelo tsa ditirelo tsotlhe.
Go nyalanya ditiro tsa dikgotlatshekelo le melelwane ya bommasepala
Go botlhokwa gore mafelo a dikgotlat-shekelo tsa bomagiseterata a nyalanngwe le melelwane ya bommasepala. Se se tla rotloetsa tsela e e momaganeng ya go tlamela ditirelo tsa bosiamisi. Momag-anyo ya ditirelo tsa Mafapha a a farolo-ganeng kwa maemong a bommasepala e ikaeletse go rotloetsa tlamelo ka ditirelo tsa puso e e momaganeng e bile e dira sentle.
Kamano magareng ga melelwane ya bommasepala le melelwane ya bomagiseterata e botlhokwa mo go tlhomeng mafelo a tiro a bomagiseterata a Dikgotlatshekelo tse Dinnye. Pele ga 1994 melelwane ya bomagiseterata e ne ya latela go tlhongwa ga melelwane ya bomagiseterata.
Ka nako eo, go ne go na le bommasepala ba le 814 mme melelwane ya bontsi jwa bommasepala e ne e nyalana le melelwane ya bomagiseterata. Kwa tshimologong, mbomasepala ba ne ba dirwa bommasepala ba bašwa ba le 237 ke Boto ya go Kgaoganya Bommasepala (Municipal Demarcation Board).
Ka 2005 Constitution Twelfth Amendment Act (Molao wa Tokafatso ya Bosomepedi ya Molaotheo) o ne wa fetisiwa go fedisa bommasepala ba ba kgabaganyang melelwane mo mabakeng o o .tlheleng molelwane wa mmasepala o o rileng a kgabaganyetsa ka kwa ga molelwane wa porofense e nngwe.
Morago ga moo, bommasepala ba ne sekasekwa gape go tlhoma bommasepala ba le 187 ba ga jaana.
Mekgwa e e dirisitsweng ke Boto ya go Kgaoganya Bommasepala e maleba mo go sekasekeng mafelo a tiro a bomag-iseterata a Dikgotlatshekelo tse Dinnye, ka ntlha ya fa Dikgotlatshekelo tse Din-nye di dira mo teng ga bommasepala. Mekgwa e e akaretsa bogolo jwa baagi, dipalangwa tsa botlhe, go nna teng ga ditlabelo tse dingwe tsa botlhe (dikolo, dipetlele), maanotlhabololo le kgolo e e ka solofelwang. Momagano ya ditirelo tse di tlamelwang ke Mafapha a mangwe a puso, ka ditlhopha tse di farologang ke ntlha e nngwe e e botlhokwa.
Dikgotlatshekelo tsa dipuo tsa Seaforika
Bosiamisi ka puo ya gago
Go thankgololwa ga Kgotlatshekelo ya Dipuo tsa Seaforika ya Zwekitsha. Batlhankedi kwa tiragalong ba ne ba akaretsa Dibuseng Mongoato e leng Mokaedi wa Ditirelo tsa Semolao le Magiseterata-Mogolo Thozamile Tetyana
Ka Justice Ditshego a 2008 Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le ne la simolola porojeke ya teko ya go rotloetsa tiriso ya dipuo tsa Seaforika mo dikgotlatshekelo. Porojeke e e tla netefatsa gore go bosiamisi bo .tlhelela Maaforika Borwa otlhe ka go lekana, segolo batlhoki le le ba bulegetseng kotsi.
Lefapha le ikaelela go dira gore bosiamisi bo .tlhelelwe ke Maaforika Borwa otlhe go tsamai-sana le Molaotheo o o tlhalosang dipuo tse 11 e le tsa semmuso. Mo malobeng, ditsamaiso tsa kgotlatshekelo di ne di reediwa fela ka Seesi-mane le Afrikaans. Tiriso ya dipuo tsa Seaforika ga e kitla e rotloetsa fela pharologano ya diteme mme e tla rotloetsa gape le phitlhelelo ya ditirelo tsa bosiamisi le go dira gore baagi ba repe mo dikgotlatshekelo.
Porojeke e ya teko e solofelwa go tswelela dikgwedi di ka nna thataro. Diporofense tse dintsi di setse di supile dikgotlatshekelo le diphaposi tsa kgotlatshekelo gammogo le dipuo tsa Seaforika tse di tla dirisiwang.
Go tsenngwa tirisong go ralala naga Didika le bannaleseabe ba ne ba tshwanelwa ke go supa gore ke puo efe e e tla tshwanelwang diporofense dife. Go .tlhelela se, go ne go ikaegilwe ka ditshwaelo tse di amogetsweng mo dikopanong tsa ditherisano. Mo diporofenseng tse dingwe dipuo tse pedi go ya go tse tharo di lekwa ka nako e le nngwe. Tsona di akaretsa Kapa Bophirima (Sexhosa le Afrikaans), Kapa Bokone (Setswana le isiXhosa), Gauteng (Setswana le Sepedi) le Limpopo (Xitsonga, Tshivenda le Sepedi). Se e ne e le go netefatsa gore bangong-oregi botlhe ga ba nne le bothata jwa puo e ba tla e dirisang kwa kgotlatshekelo. Mokgwa o o tla thusa mo porofense e nang le baagi ba bantsi ba ba buang dipuo tse di farologaneng tsa Seaforika.
Kwa Kapa Botlhaba, dikgetse di ntse di reediwa ka Sexhosa, go latela go thankgololwa ga tirelo e ntšhwa e kwa Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Zwelitsha ka 20 Tlhakole 2009. Dibuseng Mongoa ditshwantsho Ndifelani Magadani to, Mokaedi wa Kantoro ya Sedika wa Ditirelo tsa Semolao o rile dipuo tsa Seaforika e tla netefatsa botlhe ba .tlhelela bosiamisi.
Ka 24 Tlhakole 2009, porofense ya Bokone Bophirima e ne ya itemogela go tsamisiwa ga kgotlatshekelo ka Setswana ka ntlha. Tsietsi Malema Tlhogo ya Sedika wa DoJ&CD mo porofenseng o rile se ke kgato ya ntlha ya go anamisetsa maiteko a kwa dikgotlatshekelong tse dingwe mo porofenseng.
Kapa Bophirima e thankgolotse tiriso ya puo ya Seaforika kwa Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Khayelitsha ka 2 Mopitlwe 2009. Ditsamaiso tsa kgotlatshekelo di ne di tshwerwe ka Sexhosa. Go tlhomilwe dikgotlatshekelo tse pedi kwa Mitchells Plain kwa Afrikaans e dirisiwang jaaka puo ya Seaforika. Dithankgololo tse dingwe di tla diragala go ralala diporofense tse di setseng.
Porojeke e solofela go bona dipuo tsa selegae jaaka dipuo tsa direkoto mo dikgotlatshek-elong tsa rona. Se se tla diragala fa baatlhodi, batšhotšhisi, dipaki le molatofadiwa a bua puo e e tshwanang. Se tla thusa mo go fokotseng phaelelo ya dikgetse le go tlhoma mowa wa go tlhaloganyana, itshokelano le puisano mo dikgot-latshekelo tsa rona.
Porojeke e simolotse ka dikgotlatshekelo tse mme tse dingwe tla latelang:
Ka J.B. Skosana arolo 33 ya Molaotheo o netefaletsa botlhe tshwanelo ya tiro ya tsamaiso e e leng mo molaong, e amogelega e bile e sa gobelele. Molao wa Tsweletso ya Tsamaiso ya Bosiamisi (Promotion of Administrative Justice Act), 2000 o netefatsa tshwanelo eo. Karolo 7 ya Molao o tlhalosa gore Boto ya Melao ya Dikgotlatshekelo tsa Molao di dire melawa-na ya tsamaiso ya tshekatsheko ya boatlhodi go ikaegilwe ka tumelelo ya Palamente mme karolo 6 ya Molao wa Boto ya Melao ya Dikgotlatshekelo tsa Molao (Rules Board for Courts of Law Act), 1985 (Molao 107 wa 1985), e tlhalosa gore Boto ya Melao e dire melao ya kgotlatshekelo go ikaegilwe ka tumelelo ya Tona.
Morago ga paka e e tseneletseng ya ditherisano, go refo-sana dikakanyo le dipharologano tsa megopolo e e simo-lotseng ka 2003, melao e ne ya ralwa mme ya amogelwa ke Palamente ka 20 Tlhanole 2009. Se se tlhageletse ka go tsereganyo e e maleba ya Tona ya Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, Enver Surty. Tona o ne a tlhoma setlhopha sa tiro se se neng se eteletswe pele ke mogakolo-di wa gagwe yo o kgethegileng, Rre Halton Cheadle, mme se na le maloko a a tlhophilweng a Boto ya Melao le Lefapha. Komiti ya Tiro ya Bosiamisi e rebotse leloko le lengwe la yona go dira le setlhopha se. Tona o ba neetse dikgwedi tse nne (Ngwanatsele 2008 - Tlhakole 2009) go konosetsa tiro e. Matsapa a setlhopha se a nnile le maungo le go tlhagisa botlhokwa jwa mowa wa tirisanommogo mo tsamaisong ya go dirwa ga melao magareng ga boatlhodi, khuduthamaga le Palamente.
Melao e tlhalosa tsamaiso le diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa go:
Lenane la dikgatiso tsa menwana le thusa go lwantsha bosenyi
Go tsenngwa tirisong ga Molaotlhomo o go tla dira gore mafapha a abelane tshedimosetso ya forensiki, jaaka dikgatiso tsa menwana, DNA, ditshwantsho le makwaloitshupo go lwantsha bosenyi.
weng go bona bopaki jwa mofuta oo fa motho a sa bonwa molato kgotsa fa go se tshekiso e e dirilweng kgatlhanong le motho yo bopaki bo tserweng mo go ena.
Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, Enver Surty, o rile se se kaya gore dikgatiso tsa menwana tse di tserweng kwa lefelong la bosenyi di ka sekasekiwa kgatlhanong le tsa palo e e lekanyeditsweng ya disenyi tse di atlhotsweng mo lenaneng la sepodisi.
Mesola ya bokgoni jwa forensiki jo bo matlafaditsweng jwa go lwantsha bosenyi ke:
Lenane la DNA le mothamo o o okeditsweng wa dikgati-so tsa menwana ke didiriswa tsa matlhale tse di botl-hokwa, segolo mo bosenying jo temogo ya jona e leng kwa tlase, jaaka bosenyi jwa dithoto, mme e ka baka go golaganngwa ga mmelaelwa le lefelo la bosenyi.
Go golaganngwa ga lefelo go ya go lefelo ka go ka thusa go lemoga dipaterone tsa mekgwa ya bosenyi e e ka thusang go rarabolola bosenyi jo bo fetileng, jwa ga jaana le jo bo tlang. Ka mafoko a mangwe, lenane le le atolositsweng la dikgatiso tsa menwana le la DNA ga le kitla le oketsa fela tšhono ya go ya go supa disenyi tse di sa itsiweng, mme tla oketsa gape le kgonego ya go golagalanya disenyi le mafelo a a farologaneng a bosenyi.
Molaotlhomo o tla thusa go fokotsa tshalelomorago ka ntlha ya gore dikotlhao tse di fokoditsweng ka ntlha ya go ipona molato di tla oketsega fa babelaelwa ba supediwa bopaki, jaaka dikgatiso tsa menwana le bopaki jwa DNA jo bo ba golaganyang le lefelo la tiraqalo ya bosenyi.
Go tshwanetse ga gopolwa ka gale gore bopaki jwa dikgatiso tsa menwana mme segolo jwa DNA ga bo dirisiwe fela go netefatsa gore motho o molato, mme bo dirisiwa gape le go netefatsa gore motho ga a molato.
Mo godimo ga moo, Kabinete e amogetse go itlhaganedisiwa ga go tsenngwa tirisong ga Tsamaiso ya Beili (Bail Protocol) mo Dikgatong tse di tshwanetseng go latelwa fa go diragadiwa karolo 63A ya Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi 51 wa 1977. "Tsamaiso e e letla, ka kopo ya Tlhogo ya Kgolegelo le fa e sa ganediwe le Mokaedi wa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba, taelo ya kgololo ya balatofadiwa ba ba rileng ka kgalemo boemong jwa beili kgotsa ka taelo ya tokafatso ya dipeelo tsa beili," Maseko a tlhalosa.
Kabinete e amogetse gape le tshitshinyo ya go tse-nya tirisong lenane le le momaganeng la bosetšhaba la bosiamisi jwa bosenyi. Mafapha otlhe le ditheo mo tsamaisong ya bosiamisi jwa bosenyi a tla tsenya tirisong lenane le ka bonako. "Tiro e e tla etelelwa pele ke Kan-toro ya Tlhabololo ya Tsamaiso ya Bosiamisi jwa Bosenyi (Of.ce for Criminal Justice System Reform) (OCJSR) e e nayang dipegelo go Motlatsa Tona wa Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo," ga rialo Sebueledi sa Puso.
Bopaki jwa dikgatiso tsa menwana le DNA ga bo dirisiwe fela go supa molato, mme gape le go supa gore motho ga a molato.
Bana ba botlhokwa mo go fetoleng tsamiso ya bosiamisi arolo e e botlhokwa ya maiteko a puso a go fetola tsamaiso ya bosiamisi go tswa go e e nayang kotlhao go ya go e e kgopo-lolang ke ntlhakgolo malebana le bana. Ka Moranang 2010, naga e tla bo e na le Molao wa Bosiamisi jwa Ngwana (Child Justice Act) wa ntlha, e leng molao o o lekang go tshegetsa ditshwanelo tsa batswasetlhabelo go etswe tlhoko gore bana ba ba tlolang molao ke bagolo ba ka moso mme ba tshwanetse go kgopololwa - e seng ba dirwe diganana le go feta.
Fela Molaotlhomo o o sa tswang go fetisiwa kwa Palamenteng o, ga o tlhotlhelediwe ke go neelana ka dilo mme o tlhotlhelediwa ke Molaotheo wa rona le ditumalano tsa boditšhaba le melao e e amang bana e Aforika Borwa e e ikobelang kgotsa e leng molekane mo go yona. Nngwe ya dikgwetlho ke gore melao ya bosenyi ya ga jaana ga e letle tsamaiso go tlamela ka mekgwa e mengwe ntle le go isa kgolegelong. Ga go tsela e e mo magareng - bana ba latlhelwa kwa kgolegelong kgotsa ba bona dikotlhao tse di sekegilweng. Ba tliswa kgotlatshekelo jaaka bagolo, mme ba bulegela merero e e maswe ya tsamaiso ya ga jaana - go akaretsa babelaelwa le bagolegwa.
Ntlha ya botlhokwa ya Molaotlhomo ke go faposa merero mo tsa-maisong ya semmuso ya bosiamisi mo dikgetseng tse di maleba. Mangwe a maitlhomomagolo a go phaposo e ke go rotloetsa go busediwa ga ngwana mo setšhabeng le go fokotsa tšhono ya go tlola molao gape. Molaotlhomo o ikaelela gape go tshegetsa dikgatlhege-lo tsa ngwana le tsa setšhava, go etswe tlhoko gape le ditshwanelo tsa motswasetlhabelo.
Mme fa e le gore bana ba tshwanetse go tlhatlhelwa, ba tshwanetse go tlhatlhelwa mo mafelong a a tshwanetseng dingwaga tsa bona - e seng le disenyi tsa bagolo. Bothata ke gore ditlhopho tsa mofuta ga di dintsi, le batho le didiriswa tsa go di tsamaisa ga di a lekana, e leng lebaka le le dirang gore Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DOJ&CD) le thankgolotseng porojeke ya teko mo ditoropong tse tlhano; Randburg mo Gauteng; Odi kwa North-West; Bellville kwa Kapa Bophirima; East London kwa Kapa Botlhaba; le, Kimberley kwa Kapa Bokone.
Phapogo e golagane thata le bosiamisi jwa pusetso. Batlolamola ba rwala maikarabelo a bosenyi jwa bona mme ba tokafatse. Ka go dira jalo, ba simolola tsamaiso ya phodiso go batswasetlhabelo ba bona, bona, ba malapa a bona le setšhaba ka kakaretso.
Dithulaganyo tsa phapogo di tlhabololo dinonofo tsa botshelo mo bašweng ba ba tlolang molao boemong jwa go tlhatlhelwa mo kgolegelong. Go ya ka porojeke ya teko, babelaelwa ba bašwa ba ba tlolang molao, ba tla latofadiwa mme ba tlhagelele kwa kgotlat-shekelo. Morago ba tla batlisisiwa ke motlhankedi wa tekeo yo o tla golaganang le NICRO go bona gore a ba tshwanelwa ke thulaganyo e e sa iseng kgolegelong.
Batlolamolao ba ka se isiwe thulaganyong ya phapogo ntle le fa ba dumela bosenyi joo ka bobona. Motlolamolao o tla sekasekwa ke motlhankedi wa teko, yo o tla romelang pegelo kwa kgotlatshekelo. Morago NICRO e tla tswelela go ela tlhoko le go sekaseka tsamaiso, e ntse e golagana le motlhankedi wa teko. Thulaganyo e ya teko e lebetswe go khutla mo ngwageng o o tlang. Morago e tla phasaladiwa le didika tsotlhe tsa bomagiseterata go ralala naga.
Dipoelo e tshwanetse go nna tsamaiso e e sa gobeleleng ka gope le kwelotlase ya palo ya bagolegwa ba bana, go nna mo dikgolegelong ka ntlha ya ditlolomolao tse dinnye go go ka bong go rarabolotswe botoka ka ditsela tse dingwe tse di farologaneng. Sa botlhokwa, tshekeletsa ya bosenyi e tla bo e robilwe mme batlolamolao ba ban-nye ga ba kitla ba gola go nna disenyi tsa tsa bagolo diganana e leng se se tla diragalang fa ba iphitlhela ba le mo dikgolegelong.
Motsamaisi-Mogolo wa Semolao Tshuba Makua, wa Kantoro ya Kgaolo ya Free State a ruta bana ka Molaotheo le ditshwanelo tsa bona. - ditshwantsho ka Neliswa Demana.
Fa a ne a eme moletlo wa dijo tsa maitsiboa ka lefoko morago ga tiro e e masisi, Motlatsa-Tona Moadfokata J De Lange o rile ka 2007, tiragalo e e dirile R495 000, e R224 000 ya yona e neng ya abelwa ditheo tsa katlaatlelo morago ga dikgôgô tsa go tshola tiragalo e di sena go dirwa. Mo go R224 000 eo, R23 000 e ne ya ya kwa moletlong wa Keresemose wa Moatl-hodi-Mogolo o ka boona o ngokileng matlole a mafelo a tshireletso jaaka Mthatha Anti-Child Abuse Resource Centre.
Monongwaga re dirile botoka. Tiragalo e e dirile R680 000 pele ga dikgôgô," ga rialo Motlatsa-Tona, a bolelela bareetsi ba ba neng ba akar-etsa Tona Enver Surty, yo o butseng tiragalo e.
Momagano ya loago le tshegetso ya diNGO tse di kgatlhanong le tshotlako
Motlatsa-Tona De Lange o ne a tlhagisa boipelo ka sekgala se Aforika Borwa a se tsamaileng, malebana le mamagano ya loago. "Fa re leba phaposi e tshwana le e, morago ga letsatsi le re nnileng nalo gompieno, ke rata ka moo re nang le naga e ntle ka teng. Se se bontsha gore re kgona go .tlhelela momagano ya mebala," ga rialo Motlatsa-Tona, fa ba mo opela lego.. "Ka 1994, re ne re le mo losing lwa ntwa ya bana ba thari. Jaanong re kgona go tshameka kolofo mmogo. Se se kgonega fela gonne jaaka setšhaba re ikemiseditse gore ga re kitla re tswa mo tseleng ya rona," ga rialo Motlatsa-Tona De Lange.
Mo mabakeng a, re tshwanetse go gakologelwa se re se borogang. Ka gale ke swabiswa ke tirisodikgoka, petelelo, tshotlako le dilo tse di maswe tse di dirwang mo basading le baneng ba naga ya rona," a rialo kwa tirag-along e e tsereng matsatsi a le mararo morago ga Matsatsi a le 16 Boipela-etso Kgatlhanong le Tirisodikgoka go Basadi le Bana. "Go botlhokwa gore rona ba re nang le maemo a a rileng, re tshegetse mekgatlo e e seng ya puso go ema kgatlhanong le tshotlako ya basadi le bana."
Mafoko a tebogo go Tona Surty
Fa a gatelela maikutlo a boatlhodi le baemedi ba boramolao mo lekaleng la poraefete, Motlatsa-Tona De Lange o ne a romela ditebogo ka tiro e e manontlhotlho e e dirilweng ke Tona Enver Surty mo nakong ya dikgwedi di le mmalwa fela.
Go Tona ya me, nna le ena re ntse re le ditsala dingwaga di le 15 go .tlha ga jaana. Ga re badirammogo fela. Ke motho yo o siameng tota. Re lesego thata gore a bo a thapilwe. O tlisa botho mo maemong a le ka mokgwa o a dirang tiro ya gagwe ka ona e leng wa go akaretsa," Motlatsa-Tona De Lange a tlhalosa.
Re rata go go leboga thata, ka seabe se segolo se o nnileng naso mo lelapeng la bosiamisi," a rialo, mme a thelwa ka lešalaba gape go tswa go batlhankedi ba bosiamisi, dikapotene tsa intaseteri le maloko a boatlhodi a a neng a le teng.
Motlatsa-Tona o ne gape a leboga baatlhodi le bomagiseterata ba ba neng ba tlile letsatsing la kolofo. "Go baatl-hodi ba ba leng fa, ke rata go tlhalosa ka moo re lebogelang go tla ga lona. Re a itse gore ga go bonolo go tswa kwa dikgotlatshekelo, go bona mongwe yo o ka go tshwarelelang le go dira dithulag-anyo tse dingwe. Go botlhokwa gore lo be lo le fa, gonne se se naya batho ba ba leng fa tšhono ya go kopana le baatl-hodi ka mokgwa o. Se se botlhokwa thata mo momaganong ya loago."
Meputso e e jaaka dikgetse tsa kolofo, melamu ya kolofo le ditene tsa dikgwele di ne tsa newa bafenyi ba letsatsi mme le diti.keiti tsa ditebogo di ne tsa neel-wa baborogi botlhe. Go nna le seabe mo Golf Challenge go lekanyediwa ka gore ke mafelo a makae a baborogi ba kgonang go a tsaya, Molaodi wa Badiri ba ga Motlatsa-Tona Rre Blendynn Williams o tlhalositse jalo morago ga ditiragalo tsa semmuso.
Rre Williams o tlhalositse gore le fa go ka nna gontle go laletsa batlhankedi botlhe ba ba nang le kgatlhego ba Lefapha go nna le seabe, manno a a leng teng a lekanyeditswe go ya ka ditsela tse di tshwanetseng go ikobela ka go laletsa pele maloko a maemo a a kwa godimo a boatlhodi. Molaodi wa Badiri ba ga Motlatsa-Tona o tsweletse ka go tlhagisa ditebogo tsa gagwe go batlhankedi ba Lefapha ba ba dirileng go tlala seatla go netefatsa gore Golf Challenge e a atlega.
TEKATEKANO GO BOTLHE
Molao wa Tekatekano o tsamaisa phetogo go ya go setšhaba sa temokerasi, se se golaganeng ka dipharologano tsa sona, se se nang le dikamano tsa botho tse di tlhokomelang le go nna bothito, se kaelwa ke melawana ya tekatekano, go se gobelelele, tekano, tswelopele ya loago, bosiamisi, seriti sa botho le kgololosego. E rwesa tiro mo pusong le batho botlhe (go akaretsa ditheo) go tsweletsa tekatekano.
Maitlhomomagolo a Molao ke:
Go thibela le kganela kgethololo e e gobelelang;
Go thibela le go kganela puo ya letlhoo;
Go tsweletsa tekatekano; le
Go tlamela ka tshiamiso go batswasetlhabelo ba kgethololo e e gobelelang, puo ya letlhoo le tsholo e e makgwakgwa.
KGETHOLOLO E E GOBELELANG, PUO YA LETLHOO LE TSHOLO E E MAKGWAKGWA
Kgethololo e e gobelelang
Kgethololo e e gobelelang ke fa o tsholwa ka tsela e e farologaneng le ya ditlhopha tse dingwe tsa batho le fa seriti sa gago jaaka motho se digwa ke tsholo e e ntseng jalo. Kgethololo e tsewa e le e e gobelelang fa e tlisa morwalo kgotsa e tima motho ofe fela dipoelo kgotsa ditšhono ka ntlha ya sengwe kgotsa dingwe tsa tse di latelang: tebanyo ya bong, bogolo, bogole, tumelo, letswalo, ditumelo, setso, puo le botsalo, kgotsa ka ntlha ya sengwe fela se kgethololo e e ikaegileng mo go sona e ka amang go itumelela ka go lekana ditshwanelo le kgololosego ya motho ka tsela e e masisi e e ka tsewang jaaka go kgethololwa mo mabakeng a a sa dumelelwang.
Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore kgethololo ga e gobelele ka gale, sekao kgethololo e siame fa e le gore go na le pharologano mo go:
rotloetseng phitlhelelo ya tekatekano e e bonalang (tekatekano ya dipoelo) le sireletsa le go tsweletsa batho ba ba tlhokisitsweng ditšhono ke kgethololo e e gobelelang.
Puo ya letlhoo
Puo ya letlhoo ke go phasalatsa le go gasanya kgotsa bua mafoko a a ikaegileng mo go lengwe la mabaka a a sa dumelesegeng. Mafoko a a tshwanetse go tlhaloganngwa ka tsela e e tlisang go utlwisa botlhoko, kgobalo kgotsa go rotloetsa kutlobotlhoko kgotsa go baka letlhoo.
Tshwaro e e makgwakgwa
Tshwaro e e makgwakgwa ke maitsholo a a sa batlegeng a a tswele-lang kgotsa a le masisi mme a nyatsa kgotsa go tlhola tikologo e e matshosetsi, kgotsa a ikaeletse go baka go ikoba ka ditlamorago kgotsa matshosetsi a ditlamorago tse di seng monate tse di amanang, gareng ga tse dingwe le, thobalano, bong, kgotsa tebanyo le bong. Sekao, e ka nna tshwaro e e makgwakgwa fa motho a go tshosetsa gonne a sa dumalane le tebanyo le bong ya gago, sk. fa o le monna kgotsa mosadi yo o ratanang le banna kgotsa basadi.
Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano ke eng mme di .tlhelwa kae?
Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano ke dikgotlatshekelo tse di supilweng go ya ka Molao wa Tekatekano go reetsa dikgetse tse di amanang le kgethololo e e gobelelang, puo ya letlhoo le tshwaro e e makgwakgwa. Ke ditheo tse di .tlhelelegang, tse di se nang tshisibalo e bile di letla go nna le seabe. Dikgotlatshekelo tse di kobiseditswe go fedisa tlwaelo ya go tlhoka tekatekano le go tsweletsa bokgoni jwa rona jwa go isa bosia-misi kwa bontsing jwa batho ba rona. Go nna teng ga Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano go supa thato ya batho botlhe go tswelela pele le fa go na le dikgoretsi tse dikgolo.
Go ya ka Molao wa Tekatekano Dikgotlatshekelokgolo tsotlhe ke Dik-gotlatshekelo tsa Tekatekano mo mafelong a tsona a tiro. Malebana le dikgotlatshekelo tsa magiseterata, Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo o solofelwa go supa Dikgotlatshekelo tsa tekatekano morago ga ditherisano le tlhogo ya didika tsa tsamaiso (Bomagiseterata-Bagolo). Thulaganyo ya go supa Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano e diragetse ka dikgato di le pedi tse di baking go nna teng ga Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano go ralala naga. Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le dira ka natal go konosetsa kgato ya boraro e le ya bofelo ya go supa didika tsa bomagiseterata tse di setseng go nna Dikgotlat-shekelo tsa Tekatekano.
Ke mang yo o ka tlhatlhelang ngongorego kwa Kgotlatshekelo ya Tekatekano
Dikgetse kwa Kgotlatshekelo ya Tekatekano di ka tlhatlhelwa ke: . Motho ofe fela yo dirang jalo mo dikgatlhegelong tsa gagwe; . Mongwe fela yo o dirang jalo boemong jwa motho yo o ka se kgone go ikemela ka boena; . Motho fela yo o dirang jaaka leloko la, kgotsa mo boemong jwa dikgatlhegelo tsa setlhopha kgotsa mokgatlo wa batho; . Motho ofe fela yo o dirang jalo mo dikgatlhegelong tsa botlhe; . Setheo kgotsa mokgatlo kgotsa setlhopha se se dirang jalo boe-
mong jwa maloko a sona; kgotsar . Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa kgotsa Khomišene ya Tekatekano ya Bong.
Ditaelo tsa Kgotlatshekelo ya Tekatekano
Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano di matlafaditswe go dira, gareng ga tse dingwe, ditaelo tse di latelang go ya ka karolo 21 ya Molao wa Tekatekano:
Taelo ya gore go kopiwe boitshwarelo ntle le naya mabaka;
Taelo ya go duela ditshenyegelo ke molatofadiwa go modirakopo;
Taelo ya go naya ditšhono le dithata tse di rileng go mongongoregi tse a di kganetsweng ka go gobelela;
Taelo e e maleba ya mokgwa wa thibelo;
Romela kgetse kwa kopanong e e maleba go samagana le ntlha eo, sk. Mokaedi wa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba.
SEABE SA MOLAO WA TEKATEKANO MO SETŠHABENG SA RONA SA TEMOKERASI
Nngwe ya dikgwetlho tse di amang Molao wa Tekatekano ka tsela e e seng yona e nnile go tlhokega ga tsiboso ka ga molao o go baagi ba Aforika Borwa. Go kgona go samagana le kgwetlho e Lefapha la Bosia-misi le Tlhabololo ya Molaotheo ga jaana le ruta setšhaba ka ka Molao wa Tekatekano le Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano le tsibosa baagi ka botlhokwa jwa go rotloetsa tekatekano le go fenya kgethololo e e go-belelang, puo ya letlhoo le tsholo e e makgwakgwa. Se se tla netefatsa gore maitlhomo a setšhaba sa temokerasi se se ikaegileng ka moono wa seriti sa botho, tekatekano le kgololosego a diragala.
Ka jalo, maloko a setšhaba a rotloediwa go dirisa Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano fa ba belaela gore ba kgetholotswe, kgotsa go dirisitswe puo ya letlhoo kgatlhanong nabo kgotsa ba tshotswe makgwakgwa jaaka go tlhalositswe fa godimo. Fa o belaela gore o na le kgetse e e ka reediwang ke dikgotlatshekelo tse, etela kgotlatshekelo ya magiseterata e e gau. nao mme o kope Kgotlatshekelo ya Tekatekano le tlelereke ya tekatekano. Tlelereke ya tekatekano e tla go thusa go tlhatlhela ngong-orego ya gago.
The Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano e setse e rarabolotse dikge-tse tse 77 tsa tekatekano tse di begilweng mo diporofenseng tse di farologaneng magareng ga Moranang le Sedimonthole 2008. "Re tsere matsapa go netefatsa gore re konosetsa dikgetse tse di setseng ka bonako jo bo kgonegang," ga rialo Samuel Rasiuba, Motlatsa-Mokaedi wa Tsamaiso ya Semolao.
Lefapha le tlhomile thulaganyo ya tiro go ntšhwafatsa le go phasalatsa
Seelo sa katlego ya Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano
TEKATEKANO GO BOTLHE
ditirelo tsa Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano. Le tlhomile dimphato le Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso, Ditikwatikwe ya Dikga-kololo le Badiri ba Tlhabololo ya Setšhaba mo mererong ya tekatekano.
Re rulaganyo go tshwara dithutano le diseminara tse di tswelelang le Ditheo tsa Puso ya Bosetšhaba, Baeteledipele ba Setso, Badiri ba Tlhabololo ya Setšhaba le Ditikwatikwe ya Dikgakololo ka maitlhomo a go phasalatsa tiro ya Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano," ga rialo Mr Rasiuba.
Diseminara tse di tla tshwarelwa le maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS). "Di tla thusa SAPS go itse mofuta wa dikgetse tse di tshwanetseng go romelwa kwa Dikgot-latshekelo tsa Tekatekano. Re dirile go ka tlala seatla go .tlha ga jaana fela go sa ntse go le gontsi go re tshwanetse go go dira e bile katlego ya Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano e ka se diragale ka letsatsi le le lengwe."
Didiriswa tsa phasalatso tse di nolofaditsweng di dirilwe mme di .tlhelwa kwa mafelong a botlhe. Didiriswa tse di akaretsang Molao wa Tekatekano, o fetoletswe kwa dipuong tsotlhe tsa semmuso.
Ditherisano le European Union le Setheo sa Ditshwanelo tsa Botho mo go matla-fatseng dikamano le setšhaba di setse di konoseditswe. Maikaelelo ke go tlisa tsiboso mo dintlheng tse di jaaka ditshwanelo tsa molaotheo, go nna le seabe ga setšhaba le Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano.
Rre Rasiuba o tlaleleditse ka gore go tlhongwa ga Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano go tsh-wanetse ga lejwa jaaka lengwe la maano a a ikaelelang go dira gore phitlhelelo ya bosiamisi e nne bonolo go batho botlhe. Go tla kobisedi-wa thata maloko a setšhaba a a jaaka basadi le batho ba ba nang le bogole. O ne a rotloetsa maloko a setšhaba go dirisa dikgotlatshekelo tse le go bega dikgetse tse di amanang le tekatekano.
Go samagana le dikgwetlho le go tswa letsholo
Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano di lebagane le dikgwetlho tse di jaaka go tokafatsa tsibogo, phitlhelelo le mafaratlhatlha. Le fa go le jalo, di atlegile mo go samaganeng le go tlhoka tekano ga mo malobeng. "Go ya ka melawana, dikgetse tsa tekatekano di tshwanetse go konosediwa mo dikgweding tse pedi," a rialo Rre Rasiuba.
Seabe sa SAHRC, CGE le Boto ya Thuso ya Semolao
Seabe sa Khomišene ya Tekatekano ya Bong (CGE) ke go rarabolola dikgethololo tsotlhe tse di ikaegileng ka bong. CGE e solofelwa go ya ka PEPUDA go thusa bangongoregi go isa isa dikgetse kwa Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano.
CGE e atlegile go tlhotlhomisa, go tsereganya le go ela tlhoko dikgetse tse di amanang le bong mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Khomišene e na le dikantoro tsa diporofense mo diporofense tsotlhe tse robongwe go ela tlhoko tsamaiso le tiro ya Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano.
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Afori-ka Borwa (SAHRC) e tsereganya mo dikgetse tse di amanang le bosemorafe, tsholo e e makgwakgwa le puo ya letlhoo. Ditheo tse pedi tse di nnile le seabe se segolo mo go tloseng hisetori ya go tlhoka tekatekano le katlego ya Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano ka kakretso.
Kemedi ya semolao e a amogelwa mo ditsaimisong tsa Kgotlatshekelo ya Tekatekano. Rre Rasiuba o tlaleleditse ka gore Boto ya Thuso ya Semolao (LAB) e na le seabe sa go tlamela ka thuso ya semolao mahala go bangongoregi mo dikgetseng tsotlhe tsa Kgotlatshekelo ya Tekatekano. O rile bannaleseabe botlhe ba go akaretsa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo ba na le seabe se ba tshwanetseng go nna naso mo go phasalatseng ditirelo tsa Dikgotlatshekelo tsa Tekatekano le go tshwara matsholo-tsiboso a botlhe.
Tona o saena Tumalano ya SA-Hong Kong
Bobedi ditumalano tsa SLO le MLA di tlile go tsena tirisong matsatsi a le 30 morago ga gore ditlhokego tse di rileng di .tlhelelwe. Di akaretsa Aforika Borwa le Hong Kong di itsisanye ka go kwala gore di .tlheletse ditlhokego tsa go tumalano e tsene tirisong gotlhelele. Ditumalano tsa SFO le MLA tse di saenilweng ke ditumalano tsa maphatamabedi tsa bo 18 le 26 tsa mofuta wa tsona tse di konoseditsweng magareng ga Hong Kong le dinaga tse dingwe.
Tumalano ya SFO e tlhalosa dipeelo tsa go romela bat-shabi ba disenyi mme e na le dintlhatshireletso tse di ka bapisiwang le ditumalano tse dingwe tsa boditšhaba tse di tshwanang nayo.
Dintlhakgolo tsa ditumalano tse
Mo molaong wa bosenyi-gabedi, maitsholo a motho yo o romelwang e tshwanetse go bo e le a tlolomolao e kotl-hao ya yona e leng go tlhatlhelwa mo kgolegelong bonnye sebaka sa ngwaga go ya ka molao wa maphata oomabedi, ditumalano di tlhalosa jalo. Go neelwa go ka ganwa fa tlolo-molao e go neelwa ga motshabi go tlhokegang mo go yona e le e e otlhaiwang ka katlholelo-loso. Molawana wa tlolo-molao ya sepolotiki, go neelwa ga motshabi go ka ganwa fa tlolomolao eo e le tlolomolao ya sepolotiki. Mo molaong wa tiragalo ya ntlha (prima facie), tlhokego ya gore bopaki kgatlhanong le motho yo o batliwang ke lephata le le mo kopang e tshwanetse go bo e lekane malebane le go neelwa go sekisiwa go ya ka molao wa lephata le le kopiwang.
Mo molaong wa tse di kgethegileng, ditumalano di tlhalosa gore motho yo o neelwang ga a tshwanelwa go sekisediwa ditlolomolao tse dingwe ntle le tse a di kopetsweng. Mait-sholo a go kopiwang gore motho a neelwe ka ntlha ya ona e tshwanetse go bo e le a tlolomolao e kotlhao ya yona e leng go tlhatlhelwa mo kgolegelong bonnye sebaka sa ngwaga, go ya ka molao wa maphata oomabedi. Go neelwa go ka ganwa fa tlolomolao e go neelwa ga motshabi go tlhokegang mo go yona e le e e otlhaiwang ka katlholelo-loso.
Thuso ya semolao ya maphata oomabedi mo mererong ya tumalano e akaretsa go supa batho ba kwa ba leng teng, go romelwa ga ditlankana, go bona le go romela ditatamente, bopaki, dilwana kgotsa ditlankana.
Hong Kong e ne ya busediwa mo go PRC ka 1 Phukwi 1997, e pele e neng e le koloni ya Britain. Ka ntlha ya se, Hong Kong e ne ya itsege jaaka HKSAR ya People's Repub-lic of China (PRC). PRC e laola dikamano tsotlhe tsa sesole le tsa boditšhaba (naga go naga) le merero e e ka amang tshireletso le puso ya PRC. Le fa go le jalo, merero yotlhe e e amanang le tsamaiso ya semolao (go akaretsa molao ka boona), taolo ya madi, kopano ya ditirelo tsa kwa ntle, kgololosego ya bobegakgang, thuto, kgwebisano, merero ya setso le thekenoloji, jj. e sa ntse di le ka fa tlase ga Puso ya HKSAR.
BOSIAMISI
go Ralala Naga
EU, Bosiamisi di rotloetsa Phitlhelelo ya
Bosiamisi le Ditshwanelo tsa Molaotheo
Maikaelelo a thulaganyo e ke go tokafatsa Phitlhelelo ya Bosiamisi go ditlhopha tse di bulegetseng kotsi le tse di neng di kgapetswe thoko; go toka-fatsa tsiboso le kitso ya ditshwanelo tsa Molaotheo le go rotloetsa temokerasi ya go nna le seabe ka dipuisano le go matlafatsa mekgatlo ya setšhaba.
Ditšhaba tse di lebilweng le ba ba tla tswelwang mosola ba akaretsa badiri ba dipolase, baagi ba ba tlhokang ba metseselegae le ba metsesetoropo, batho ba ba amilweng ke HIV/AIDS le kgatako ya ditshwanelo tsa botho; malapa a a tlhokometsweng ke bana; batsofe; batho ba ba golafetseng; bašwa go akaretsa bana ba ba mo dik-golegelong; basadi le bana; bagoleg-wa; batshabi; batshabi ba sepolotiki le bafudugedi ba ba senang ditlankana.
Phitlhelelo ya Bosiamisi e tla rotloediwa ka go oketsa tshegetso go ditheo tse di farologaneng tse di dirang mo setšhabeng. Ditheo tse di direla bontsi jwa batho ka go tlamela ka maele le go anamisa Phitlhelelo ya Bosiamisi. Thulaganyo e e tla netefatsa gape gore dintlha tse di golaganang le botlhoki le phetolo ya maemo a loago le ikonomi e tswelediwa go ka dirisa Molaotheo. Se se tlhoka gore dikgotlatshekelo di .tlhelelwe ke batlhoki le baagi ba ba bulegetseng kotsi ba ba nang le bothata jwa go .tlhelela ditirelo tse.
Tsiboso ka Ditshwanelo tsa Molaotheo
Maikaelelo a mangwe a thulaganyo e ke go tlhola setšhaba se se sa itseng fela ditshwanelo tsa sona, mme se itse gape go sireletsa maloko a sona. Se ke tsereganyo e e botlhokwa go batlhoki ba naga ya rona gonne melawana ya Molaotheo ke sediriswa mo kgaratl-hong kgatlhanong botlhoki le go se lekalekane. Se se tla thusa thata mo go ageng setšhaba se sešwa se mo go sona Maaforika Borwa otlhe a mat-lafaditsweng go .tlhelela le go dirisa ditshwanelo tsa bona tsa Molaotheo.
Go rotloetsa go nna le seabe mo temokerasing
Momagano magareng ga puso, setšhaba le ditlhopha tse di tswelwang mosola ka motheo wa go aga setso sa ditshwanelo tsa botho. Thulaganyo e e tla tshegetsa ditiragalo tse maitlhomo a tsona e leng go matlafatsa go nna le seabe mo temokerasing mo maemong a mantsi.
Motlatsa Moporesitente Moh Baleka Mbete o rile "Ke na le bonnete jwa gore ka go .tlhelela tshedimosetso, batho ba rona ba tla matladadiwa go tsaya ditshwetso tse di botlhale. Go botlhok-wa thata gore re matlafatse semphato sa rona mo ntlheng e."
Moh Sooka o ne a leboga baagi le batho botlhe ba ba dirileng gore tira-galo e e atlege. "Gompieno, lo bont-shitse bokgoni jwa Aforika Borwa yo mošwa." O ne a leboga gape le Tona ya maloba ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo Brigitte Mabandla go tlhoma thulaganyo e. "Ke rata gape go leboga Tona ya ga jaana ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, Rre Surty, go itlhaganedisa thulaganyo e."
Go tsweletsa maiteko a, Lefapha le amogetse bokana ka dimilione tse R260 go tswa kwa European Union, go tshegetsa phitlhelelo ya bosiamisi go botlhe, ga rialo Moambasatara Briet.
Madi a a tshegenya go tsenngwa tirisong ga pholisi le leano la Lefapha le le ikaelelang go samagana le dik-gwetlho tsa thebolo ya ditirelo le go tokafatsa phitlhelelo ya bosiamisi. Ke solofela gore ka 2011, Lefapha le tla bo le .tlheletse bontsi jwa maitlhomo a a mo leanong la lona," moambasatara a tlhalosa jalo. O ne a tswelela ka go bua gore 10 Sedimonthole ga se fela letsatsi la go thankgololwa ga thulaganyo mme ke go keteka gape segopotso sa bo60 sa Universal Declaration of Human Rights. "Se se supa kgato ya ntlha ya go tlhoma letlhomeso le le akaretsang la boditšhaba la tshireletso ya ditsh-wanelo tsa botho." Universal Declaration of Human Rights e ne ya amogelwa ke Kokoanokakar-
Moh Yasmin Sooka etso ya Ditšhaba-Kopano ka 1948. Kgoeletso e e tlhalosa ditshwanelo tsa botho tsa motheo. "Kgoeletso e e sa ntse e le botlhokwa. Ga jaana Kgoeletso e e amogelwa mo mafelong a mantsi jaaka karolo ya molao wa setso wa boditšhaba," moambasatara Briet a tlhalosa jalo. Kgoeletso e e tlhotlheleditse Melaotheo ya dinaga tse di sa tswang go bona kemonosi le ditemokerase tse dintšhwa go akaretsa Aforika Borwa. "Ke na le tsholofelo e kgolo gore thulaganyo e e tla nna le seabe mo morerong o o botlhokwa o. Ke lo eleletsa masego mo kgwetlhong e ya go baya batho kwa pele, kgotsa Batho Pele jaaka lo e bua," a konosetsa.
Boitumediso ka bente ya SAPS
Babueledi ba Malapa ba tlile go abelana boitseanape kwa dikopanong tsa ngwaga
Ka Neliswa Demana aatefokata ba Malapa ba Aforika Borwa ba tlile go kopang ngwaga le ngwaga go abelana maitemogelo a tiro ya bona. Tshwetso e e tlile kwa Khomferenseng ya Ntlha ya Baatefokata ba Malapa e e neng e tshwerwe ka 22 go .tlha ka 24 Ferik-gong, e morero wa yona e neng e le "Go Tlhagelela ga Molao wa Bana". Baatefokata ba Malapa ba ka nna 190 ba ne ba tsenetse khomferense eo.
Khomferense e e ne e kobiseditswe maikano a thebolelo ditirelo a Lekala la Puso, a a leng mo meonong ya Batho Pele. Khomferense e e tla tlhalosa dipotso tse di botlhokwa tsa go ngangisana ka dikgopolo tse di ... wa ka ga se se tshwanetseng go dirwa go tlhotlheletsa dipholisi tsa isago mo lekaleng la Molao wa Malapa le Tiragatso. Dikhomferense tse di tlang di tswelela go mametlele-la Ditshwanelo tsa Molaotheo tsa bana.
Moatefokata-Mogolo wa tsa Malapa Petunia Seabi o rile "E ke ya ntlha ya mofuta wa yona. Re ne ra swetsa go kopanya dirutegi mo intasetering e go tla go buisana ka dintlha tse di
Moatefokata-Mogolwane wa tsa Malapa Brenda Makganyoha, o ne a tsamaisa thulaganyo ka letsatsi la bobedi la khomferense jaaka Molao wa Bana."
Tlhogo ya Kgaolo ya KwaZulu-Natal Brigitte Shabalala o ne a rotloetsa baatefokata go tsweletsa tiro e e manontlhotlho e. "Go tsaya go feta dithutego go dira se lo se dirang. Ga lo a thapiwa ka phoso. Go thapiwa ga lona go lo naya t ... hono ya go jwa-la mo set ... habeng." O ne a tlhalosa gore Lefapha le dira tiro e ntsi e e ka bontshiwang lefatshe. "Ke lo rotlo-etsa go rata ditiro tsa lona, gonne go dira jalo go tlile go lo tsweletsa."
Moh Shabalala o ne a rotloetsa mongwe le mongwe go latela mafoko a a ga Mahatma Gandhi, "Nna phetogo e o ratang go e bona mo lefatsheng."
Dintlha tse di latelang di ne tsa buisanelwa kwa khomferenseng:
Tumalano ya Hague le Molao wa Bana
Ditshwanelo tsa Botho le Molao wa Malapa
Botsereganyi mo Molaong wa Malapa: Tebo ya Setso sa Seaforika
Ditshwanelo tsa Batsadi le Bana di fetoletswe go maitemogelo a tiro ya Baatefokata ba Malapa
Botsereganyi jaaka tharabololo ya kgotlang ya lelapa
Seabe sa molao mo Molaong wa Sebele wa Hindu le Muslim le Ditshwanelo
Kantoro ya Baatefokata ba tsa Malapa e thusa batho go .tlhelela ditumalano mo dintlheng tse di jaaka go tsewa ga bana le botlhokomedi. Ditirelo tse di rebolel-wa set ... haba mahala. Lefapha le beile kwa setlhoeng go oketsa le go katisa Baatefokata ba Malapa. Pal-ogotlhe ya dikantoro tse 25 go ralala naga do setse do dira go oketsa phitlhelelego ya ditirelo ya Baatefokata ba tsa Malapa.
Fa maphata a sena go dira dikopo, Moatefokata wa Malapa o tlhatlhela potso e ka thuso ya mogakolodi wa lelapa (gantsi ke modirediloago yo o katisitsweng), a botsolotsang matlhakore a go netefatsa maemo a bona le dintlha tsa lemorago tse di amanang le ntlha e. Moatefokata wa Malapa morago o botsolotsa ngwana go mo naya t ... hono ya gore le ena a utlwiwe. Se se dirwa gore ngwana a se tlhagelele kwa kgotlatshekelo.
Lefapha le lemogile gore mo mererong ya malapa mekgwa ya dikomano ya go rarabolola dikgotlang e rotloetsa boganka mo malapeng. Se se ama bana mo ditlhaloganyong, segolo fa lenyalo le thubega.
Go samagana le se, ditirelo tsa botsereganyi le dithu-laganyo tsa bosiamisi jwa pusetso di a rotloediwa go matlafatsa momagano ya loago go lebilwe thata go aga malapa mo ntweng kgatlhanong le bosenyi. Kan-toro ya Moatefokata wa Malapa e atlegile mo go ato-losetseng ditirelo kwa Dikgotlatshekelo tse Dipotlana le tse Dikgolo mo nageng le mo go tlameleng ka ditirelo ka mokgwa wa go di tsamaisa mo mafelong a magae.
Dikgopolo tsa Boditšhaba ka ga Bosiamisi o dingwageng tse lesome tse di fetileng, Maaforika Borwa a mantsi a ne a nyalana mme seelo sa manyalo le sa tlhalo se ntse se fetogafetoga go ya ka dipalopalo tsa Setheo sa Dipalo-palo sa Aforika Borwa (Statistics South Africa) tse di golotsweng ka Phatwe 2008. Setheo se se rile palogotlhe ya manyalo a le 184 860 a kwadisitswe mo Aforika Borwa ka 2006 - dipalopalo tsa sešweng - koketsego ya diper-esente tse 26 go tswa dingwageng tse 10 tse di fetileng.
Mo manyalong otlhe a a feletseng ka tlhalo, Setheo sa Dipalopalo sa Aforika Borwa se .tlhetse gore:
Bokana ka diperesente tse 60 di amile bana mme
Bana ba le 30 242 ba amilwe ke tlhalo ka 2006.
Jaaka naga le ikonomi di fetoga, bat-sadi ba le bantsi ba dira kwa dinageng tse dingwe, bangwe ba tlogela bana fa ba bangwe ba fuduga le bana ba bangwe. Batsadi ba ba tlhalaneng / kgaoganeng ba .tlhelela ditumalano tsa tlhokomelo le go eta mo ntlheng e, fa dilo di dirilwe ntle ntwa. Le fa go le jalo, mo mabakeng a mangwe bat-sadi ga ba dumalane mme mongwe a ka tshabela kwa nageng e nngwe ka ngwana. Mo mabakeng a mangwe, batsadi ba leka go ithusa ka go fudusetsa bana kwa tikologong e ba solofelang gore ba tla bona ditlamorago tse di kgotsofatsang tsa ditsamaiso tsa tlhalo, tlhokomelo kgotsa go eta. Tse ke dikgetse tsa go Thopiwa ke Batsadi. Ka lebaka la melao, ditso le dikgopolo tse di farologaneng tsa seabe sa banna le basadi mo setšhabeng, dikgetse tsa go Thopiwa ke Batsadi ke dikgwetlho tse dikgolo.
Aspects of International Child Abduc-tion. Ka go dira jalo, dinaga tseo di inyalantse le maikarabelo a a rileng a a tshwanang le a a tlhagelelang mo kon-terakeng. Se ke tumalano e e dirilweng go itlhaganedisa go boela ga bana kwa dinageng tsa bona tsa boagi, mo mabakeng a ba ntshitsweng ka tsela e e fosagetseng. Bonno jwa tlwaelo dinako dingwe bo farologana le boagi kgotsa bosetšhaba. Tumalano e ga e fela ka ga boa, mme ka Karolo 21 e tlamela le ka ga go golagana, go ntshiwa ga dikgoreletsi tse di kganela tiragatso ya kgolagano ya motsadi le ngwana. Bothati jwa Bogareng bo tshwanetse go diragatsa ditiro tse di tlhagelelang mo Karolo 21 malebana le dikopo tsa go boa.
Tumalano ya Hague e ikaelela go fedisa go gapiwa ga bana go isa kwa dinageng tsa boditšhaba ka go tlamela ka ditharabololo tsa semolao go ba ba batlang go busediwa ga ngwana kwa nageng ya bonno jwa tlwaelo. Go tshwanetse go elwe tlhoko gore maikaelelo a go itlhaganedisa ga go busediwa ga ngwana ke go baya ng-wana mo tsamaisong ya kgotlatshekelo e e mo maemong a a botoka a go ka samagana le dintlha tsa ngongorego ya batsadi. Ngwana a ka nna a ntse a le mo tlhokomelong ya motsadi yo a mo thopileng, fa a tlhopha go ka boa le ngwana.
Dintlha tsa go tsaya dikgato tsa go busiwa ga bana ba ba thopilweng ka fa tlase ga Tumalano ya Hague e e ka ga dintlha tsa selegae tsa go thopiwa ga bana le Molao wa Ditharabololo tsa go Thopiwa ga Bana (International Child Abduction Remedies Act) ke gore:
ngwana e ne e le monni wa tlwaelo wa naga e a thopilweng mo go yona;
motsadi yo o itirelang boikuelo o ne a na le ditshwanelo tsa tlhokomelo a le esi kgotsa tse di kopanetsweng go ya ka taelo kgotsa tiragatso ya molao, le ka nako ya go ntshiwa motsadi yo o ikuelang o ne a diragatsa dithata tseo.
Moatefokata-Mogolo wa Malapa Petunia Seabi ke moitseanape mo mererong e e jaana. O tlhalosa ka moo molao wa Aforika Borwa o samaganang le dikgetse tsa go Thopiwa ke Batsadi, o dirisa Tumalano ya Hague le Molao wa Bana.
P: Batsadi ba Aforika Borwa ba ka dira eng fa balekane ba bona ba pele ba thopile bana le go ya le bona kwa dinageng tsa boditšhaba?
Motsadi yo o setseng o tshwanetse go leka ka bo-jotlhe go itse dintlha ya go tloga ga bona le lefelo le motsadi le ngwana yo o thopiwang ba yang kwa go lona. Tumalano ya Hague e naya motsadi yo o tlo-getsweng tlhopho ya go ka ikgolaganya le kantoro e e supilweng ya Bothati jwa Bogareng ya RSA, e le Kantoro ya Moatefokata-Mogolo wa Malapa (OCFA) kgotsa Bothati jwa Bogareng jwa naga e ngwana a thopetsweng kwa go yona. Ngwana yo o thopilweng o tshwanetse go bo a le dingwaga tse di kwa tlase ga somethataro. Go kgotsa go itlhaganedisa kopo mo OCFA, motsadi yo o setseng o tshwanetse go tlisa ditlankana tse di latelang:
Dikhopi tse di kannweng tse di tlhagisang ditshwanelo tsa tlhokomelo. Dikao tsa tsona ke seti.keiti sa lenyalo, ditaelo tsa kgotlatshekelo tse di nayang ditshwanelo tse di kailweng, diti.keiti tsa botsalo tse di khutswafaditsweng, jj.
Ditshwantsho tsa go sa le gale tsa mothopi le tsa ngwana
Setatamente se se kannweng se se tlhalosang dintlha le mabaka a thopo e e kaiwang
Dikhopi tsa boikuelo tsa dikgetse tse di leng kwa kgotlatshekelo ya RSA, fa go le maleba
Motsadi yo o setseng le ena o tla tshwanela go tlatsa foromo e e supilweng e e dirisiwang ke bothati jwa bogareng mo dinageng tse dintsi tse di nang le seabe.
P: Ke dikgato dife tse di tsewang mo go batleng ngwana yo o thopilweng, go ya Tumalano ya Hague le Molao wa Bana wa SA?
Bothati jwa Bogareng jwa RSA morago fela ga go amogela ditlankana tse di maleba bo sekaseka dintlha tsa semo-lao tsa kopo ga mmogo le maemo a Tumalano a naga e ngwana e tseetsweng kwa go yona. Fa ngwana a isitswe kwa nageng e e nang le seabe mme tsotlhe tsa semolao di diragitswe, C.A. e tla kokoanya tsotlhe mme e romele kopo kwa CA ya boditšhaba e kopa go bosiwa ka potlako ga ngwana yoo. Tsela e ga e dire fa ngwana a tseetswe kwa nageng e e seng mo Tumalanong e.
DiCA tsotlhe go ya Tumalano e di tshwanetse go tsaya dik-gato go bona go busa ngwana ka boithaopo. Se se dirwa ka botsereganyi jwa melelwana e e kgabaganyang. Kgetse e ka tlhatlhelwa fela fa botsereganyi jo bo retelelwa. Tsela e e ny-alana gape le melawana ka kakaretso e e leng mo Molaong wa Bana, e leng gore mo ntlheng efe fela e e amang ngwana tsela e e siametseng botsereganyi le tharabololo ya mathata e tshwanetse go latelwa'. Le fa go le jalo, go botlhokwa gore motsadi yo o tlogetsweng a itsise Bothati jwa Bogare ka ga kgonego ya go fuduswa gape/kgonego ya go utlwisiwa botlhoko ga ngwana, fa motsadi yo o thopileng ngwana a ka itse ka kopo ya go busiwa. Mo mabakeng a CA e tla tsaya dikgato tsa go bona taelo ya kgotlatshekelo ya tshoganyetso go thibela go ka fudusiwa kgotsa go utlwisiwa botlhoko ga ngwana.
P: Tumalano ya Hague le Merero ya Selega mo go Thopiweng ga Bana Boditšhaba di amana jang le dikgatlholo tsa tlhokomelo ya bana tse di dirwang mo dikgotlatshekelo tsa Aforika Borwa?
Go na le dilo tse pedi tse di tlhagelelang mo ntlheng e. Sa ntlha, taelo e e neelang tlhokomelo ya ngwana e ka dirisiwa jaaka bopaki jwa ditshwanelo tsa botsadi ke motsadi yo o batlang gore ngwana yo o thopilweng a busiwe. Sa bobedi, ke fa mothopi a batla taelo mo kgotlatshekelo ya RSA, e e tla nnang le seabe mo go mametleleleng go fosagala ga go nt-shiwa kgotsa go tsholwa ga ngwana mo RSA. Mo lebakeng le, Bothati jwa Bogareng bo tla nopola Karolo 16 ya Tumala-no go thibela/sekega ditsamaiso go .tlha go tsewa tshwetso ka ga go boela ga ngwana kwa nageng ya bonno jwa tlwaelo ya ngwana. Go ya ka Tumalano bothati jwa boatlhodi/dikgot-latshekelo tsa naga e e nang le seabe e ngwana a isitsweng kgotsa a tshotsweng kwa go yona ga e a tshwanela go swetsa ka dintlha tsa ditshwanelo tsa tlhokomelo ya ngwana go .tlha go netefadiwa gore ngwana ga a kitla a busiwa.
Q: Go na le ditekanyetso mo tirisong ya tumalano, ka ntlha ya fa Tumalano e dira fela mo dinageng tse e di tsereng jaaka "Dinaga tse di mo Konterakeng". Dikgato tsa go busa ngwana kwa nageng e e seng mo Konterakeng ke dife?
Go ya ka tebo ya Aforika Borwa, go botlhokwa gore motsadi yo o setseng a bone taelo ka ditsamaiso tse di tlwaelegileng tsa selegae, tse di tlhalosang fa go ntshiwa/tsholwa ga ng-wana go se mo molaong e bile e le kgatako ya ditshwanelo tsa botsadi. Fa taelo e e .tlheletswe, motsadi yo o setseng o tshwanetse go newa taelo e e tla diragadiwang kwa nageng ya boditšhaba e gape e laela go busiwa ga ngwana. Tsela e e tlhwatlhwagodimo ka ntlha ya fa e akaretsa babueledi ba kwa dinageng tsa boditšhaba. Ka ntlha ya moo, Khomfer-ense ya Hague ka ga Molao wa Poraefete wa Boditšhaba e tsaya dikgato tsa go rotloetsa dinaga tse dingwe go ka nna le seabe mo Tumalanong e.
Q: Ke dinaga dife tse di ikamanyang le Tumalano ya Hague?
Bontsi jwa dinaga tsa Europe, Kgweranoditšhaba le USA. Mo Aforika ke RSA, Mauritius le Zimbabwe fela. Le fa go le jalo Zimbabwe ga e na Bothati jwa Bogareng. Re tshwanetse go tsaya dikgato tsa tshoganyetso go rotloetsa dinaga tse re abelanang melelwang ga mmogo le dinaga tse dingwe tsa Aforika go tsenela ditumalano tsa tshireletso ya bana, go
lebilwe bontsi jwa bana ba ba kgabaganyang melelwane ya rona, bangwe ba se na le bagolo kgotsa ntle le ketelelopele ya bagolo.
Q: Fa motsatsi yo a isitseng ngwana kwa moseja a bona gore motsadi yo o mo Aforika Borwa o sotlaka ngwana, o kotsi mo ng-waneng kgotsa a ka se tlhokomele ngwana ka tshwanelo; a ka sireletsa jang dikgato tsa gagwe, go ya ka Tu-malano ya Hague le Molao wa Bana wa SA?
Tumanalo e neelana ka tlamelo ya gore motsadi yo o thopileng ngwana a ka nna kgatlhanong le go busiwa ga ng-wana. Fa motsadi yo o thopileng a ka lemoga gore go na le kotsi e kgolo ya gore kopo e ya go boa ga ngwana e ka bakela ngwana tshotlo ya mo mmeleng, tlhaloganyo kgotsa ya baya ngwana mo maemong a a sa amogelegeng, kgotlatshekelo e e reetsang kopo ga e pateletsege go laela gore ngwana a busiwe. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore dipelaelo fela tsa kotsi ga di kitla di pateletsa kgotlatshekelo go ganana le go busiwa ga ngwana, go tshwane-tse ga supiwa gore kotsi eo e masisi kgotsa kutlobotlhoko e e solofelwang ke e kgolo thata.
Q: A go na le dipaka tse di dirang ka fa tlase ga Tumalano ya Hague le Merero ya Selega mo go Thopiweng ga Bana Boditšhaba?
Gareng ga dikganetso tse di tlwaelegi-leng tse di tlhageletseng mo dikopong tsa go busiwa, ke gore ngwana a gane go boa. Mo mabakeng a a jaana, go dirwa tshekatsheko, gantsi ka thuso ya Mogakolodi wa Malapa kgotsa moitse-anape wa ditlhaloganyo gore a ngwana go godile mo ka nna le kakanyo e kgot-latshekelo e ka e tsayang tsia. Mabaka a go gana a ngwana le ona a tla sekasekwa go kgona go kgapela thoko tlhotlheletso ya motsadi yo o thopileng. Dingwe tsa dikganetso tse di leng teng ke gore tlosiwa go ne go sa fosagala, gore motsadi yo o tlogetsweng o ne a sa dirise ditshwanelo tsa gagwe tsa botsadi ka nako ya go ntshiwa kgotsa go tsholwa ga ngwana, kgotsa motsadi yo o tlogetsweng o dumalane le go tsewa/tsholwa ga ngwana. Fa bopaki jo bo le teng bo supang gore ngwana o iketlile kwa tikologong e ntšhwa, kgotlatshekelo e ka nna ya se laele go bowa ga gagwe. Mo mabakeng a fa go boa ga ngwana go ka nnang kgatlhanong le melawana ya motheo ya RSA e e amanang le tshireletso ya ditshwanelo tsa botho le dikgololosego tsa motheo, dikgotlat-shekelo tsa rona ga di pateletsege go laela go bowa ga gawe.
Dingwe tsa tsona di akaretsa:
Bana ba ba setseng ba tshwere dingwaga tse 16 ga ba sirelediwe ke Tumalano e.
Fa ngwana a tlositswe ka phoso sebaka se se ka fa tlase ga ng-waga, go tloswa ga ngwana go ka laelwa ka fa tlase ga Tumalano e. Tumalano e e dira gore bothati jwa boatlhodi bo pateletsege go laela go bowa.
Fa ngwana a tlositswe ka phoso sebaka se se fetang ngwaga, ngwana o tshwanetse go busediwa ntle le fa kgotlatshekelo e tlhopha go se busetse ngwana fa e le gore go na le bopaki jwa gore ngwana o iketlile kwa tikologong ya gagwe e ntšhwa. Kgotlatshekelo e na le thata ya go laela/gana go buswa ga ngwana.
Dikgotlatshekelo le bothati jwa tsamaiso di tshwanetse go tsaya dikgato ka bona mo dikgetseng tsa mothale fela fa go ise go .tlhelelwe tshwetso mo dibekeng tse thataro go tloga ka letlha le ditsamaiso di simolotseng la lona, modirakopo kgotsa Bothati jwa Bogareng jwa Naga e e kopilweng bo ka kopa lebaka la tiegiso semmuso.
Tumalano e e dira malebana le go tloswa/tsholwa go go diragalang morago ga tumalano e e tsena tirisong magareng ga dinaga tse di amegang.
Ka kakaretso, Tumalano e tlhoka gore dinaga di tseye dikgato ntle le tiego mo dikgetseng tsa go thopiwa ka dikgoka ga bana tse di welang mo mafelong a tsona. Ke mangwe a maitlhomo a Tumalano e go sireletsa bana boditšhaba go tswa mo ditiragalong tse di seng monate tsa go tlosiwa kgotsa go tsholwa go go fosagetseng le go tlhoma mekgwa ya go netefatsa gore bana ba busediwa kwa dinageng tsa bona tsa boagi. Maikaelelo ke go netefatsa gore kgotlatshekelo e e bokgoni mo nageng ya boagi jwa ngwana e swetse ka go siama kgotsa go se siame ga go tshwar-wa goo, go .tlhelela go akaretsa le go isediwa leruei kwa nageng e nngwe. Se se ikaegile ka ntlha ya gore kgotlatshekelo ya naga ya boagi ke yona e e ka kgonang go bona bopaki jotlho jo bo maleba malebana le dintlha tsa go tsh-warwa, tlhokomelo le kgokagano e bile e mo maemong a a botoka a go ka neela taelo e e tla nnang mo dikgatlhegelong le/kgotsa tse di leng kotsi mo katlaatlelong ya ng-wana. Ka ntlha ya moo, Tumalano ya Hague e tsewa e le nyalana le melao ya rona le Molaotheo, ka go tsaya ditshwanelo tsa ngwana di le botlhokwa thata.
Tokafatso ya Tsamaiso ya
Phepo ya Bana o tokafatsa tsamaiso ya phepo ya bana go fokotsa mokgweleo mo dikgotlatshekel-ong ke mangwe a maikaelelo a Lefapha la Bosiamisi le Tlhabolo-lo ya Molaotheo. Maikaelelo a a nyalana le go tlamela ditlhoko tsa ditlhopha tse di bulegetseng kotsi, go tokafatsa maemo a thebolelo-ditirelo le go anamisa phitlhelelo ya bosiamisi.
Molao wa Phepo ya Bana (Phepo ya banaAct), 1998 (Molao 99 wa 1998), o tsene tirisong ka 26 Ngwanatsele 1999. Temana 27 ya Tumalano ya Ditshwanelo tsa Ngwana e e saenilweng ke Aforika Borwa kwa New York ka 1989 e tlhalosa gore Dinaga tse di tsayang karolo di dire tsotlhe tse di maleba go netefatsa go lopiwa ga phepo ya ngwana go tswa mo motsading kgotsa motho ofe fela yo o nang le maikarabelo a go thusa ngwana ka matlole.
Le fa Molao o o le teng le ditokafatso tsa ona di tlhagisitswe, basadi ba sa ntse ba tswelela go sotlega go .tlhelela madi a phepo ya bana ka ntlha ya go tlhaela ga tsamaiso le go se nne le didiriswa le badiri ba ba lekaneng.
Go tokafatsa tsamaiso e, Lefapha le tlhomile letsholo la Operation Isondlo. Maikaelelo a letsholo le e ne e le go fetola tebo e e fosage-tseng ya setšhaba ka ga tsamaiso ya phepo ya bana mo nageng ka motseletsele wa maano a a latelang:
Go bopa mothamo kwa dikarolong tsa phepo ya bana kwa dikgotlatshekelo;
Go diragatsa Molao wa Phepo ya Bana mo tiragatsong e e rileng ya selegae;
Fokotsa tshalelomorago ya dikgetse tsa phepo ya bana;
Tokafatso ya ditsela tsa phpo ya bana;
Phokotso ya botlhoki;
Dikopano tsa ditherisano le bannaleseabe; le
Go ruta setšhaba le matsholo tsiboso. Go tsweletsa Operation Isondlo, Lefapha le thapile:
Ditlelereke tsa Phepo ya Bana tse 577;
Batlhankedi ba Phepo ya Bana ba le 86;
Batlhotlhomisi ba Phepo ya Bana ba le 145;
Baithuti ba Molao ba le 100;
Bomagiseterata ba Namaotshwere/Tlaleletso ba le 13; le
Ditlelereke tsa Kgotlatshekelo ya Bana di le 124.
Ditirelo tsa boleng le go ikobela Molao wa Phepo ya Bana
Go thapiwa ga Batlhankedi ba Phepo ya Bana ba ba katisitsweng semolao go tokafaditse boleng jwa ditirelo tse di re-bolwang e bile go tsweleditse go tsenng-wa tirisong ga ditlamelo tsa Molao wa Phepo ya Bana. Palogotlhe ya dipotso tse 111,579 ka ga phepo yua bana di ne tsa amogelwa mme ga rebolwa le makwalo a tshwaro a le 20,744 go ba ba sa dueleng.
Palogotlhe ya ditaelo tse 74,608 di dirilwe ka tumelelo, ditaelo tsa 6,868 di dirilwe ka go tlola malao mme ditaelo tse 1,047 tsa boditšhaba di kwadisitswe kgotsa go netefadiwa. Lefapha le amogetse din-gongorego tse 34,831 go ya ka karolo 6 ya Molao o.
Tsamaiso kwa Dikgotlatshekelo tsa Phepo ya Bana
Kgotlatshekelo ya Magiseterata nngwe le nngwe e Kgotlatshekelo ya Phepo ya Bana mo lefelong la tiro la yona go ya ka Molao wa Phepo ya Bana, mme motšhotšhisi mongwe le mongwe wa setšhaba ke motlhankedi wa phepo ya bana mo kgotlatshekelo ya gagwe. Motlhankedi wa phepo ya bana o tlhatlhela potso mo kgotlatshekelo ya phepo ya bana ya morago ga go sekaseka dingongorego malebana le phepo ya bana. Motlhankedi wa phepo ya bana a ka rebola sapina go gogela batho ba ba amegang fa pele ga magiseterata kwa ditlhotlhomisong ka ga phepo ya bana.
Kwa ditlhotlhomisong, bopaki bo etelelwa pele mme matlhakore a ka nna le kemedi ya semolao. Ditirelo tse ga di a bulelwa setšhaba. Morago ga tlhotlhomiso e e tseneletseng, motlhankedi wa Kgotlatshekelo ya Phepo ya Bana a ka dira ditaelo tse di amanang le phepo ya bana tse di farologaneng: gogela morago kgotsa go fetola ditaelo tse di leng teng tsa phepo ya bana, ditaelo ka tumelelo kgotsa ka ntlha ya tlolomo-lao le ditaelo tse di rwesang maikarabelo a diteko tsa botsadi.
Dikgotlatshekelo tsa Phepo ya Bana di ka neela dikatlholo tsa selegae tse go ka ikuelwang kgatlha-nong natso kwa Kgotlatshekelokgolo mme morago kwa Kgotlatshekelong e e kwa Godimo ya Boikuelo. Ditaelo tsa Kgotlatshekelo ya Phepo ya Bana di ka diragadiwa ka ditaelo kgatlhanong le dithoto, tuelelo ya tlolomolao kgotsa go kgomarediwa ga molato go motlhankedi wa phepo ya bana. Go se ikobele ditaelo tsa phepo ya bana (sk. Go se duelele phepo ya bana) ke tlolomolao ya besenyi.
Fa kgotlatshekelo e atlholetse motho go se duelele phepo ya bana, e ka tshwarwa tlhotlhomiso e khut-shwane (fa e na le taolo ya selegae) mme morago ya neela taelo ya tuelo madi a a saletseng morago a phepo ya bana. Kgetse ya bosenyio kwa kgotlatshek-elo ya magiseterata ka ntlha ya go retelelwa ke go duela madi a phepo ya bana e ka fetolelwa go tlhotl-homis ya phepo ya bana.
